4 Basadi bagolo ba ba tshwanetse go ruta basadi ba meroba go tshela ka tshisibalo mo mekgweng ya bone, go rata banna ba bone le bana ba bone, 5 le go nna le ditlhaloganyo le megopolo e e itshekileng, ba nna mo malwapeng a bone, ba le pelonomi ebile ba ikobela banna ba bone, gore tumelo ya Sekeresete e se ka ya tlhapadiwa ke ba ba ba itseng. 6 Fela jalo, kgothatsa makau go itshola sentle ka kelotlhoko, ba tsaya botshelo e le selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go somarelwa. 7 Mme wena ka bowena, o tshwanetse go nna sekao mo go bone ka ditiro tse di molemo tsa mofuta mongwe le mongwe. A sengwe le sengwe se o se dirang se supe lorato lwa gago gore o tlhwaafetse. 8 Dikgang tsa gago di tshwanetse go nna botlhale le botsipa gore le fa e le mang yo o batlang go nganga nao a itlhabelwe ke ditlhong gonne go tlaa bo go sena sepe se a ka nyatsang puo ya gago ka sone!
9 Kgothatsa batlhanka go ikobela beng ba bone le go leka bojotlhe jwa bone go ba itumedisa. Ba se ka ba fetolana nabo, 10 le fa e le go utswa, mme ba tshwanetse go itshupa gore ba ikanyega ka botlalo. Ka go dira jaana, ba tlaa dira gore batho ba tle go dumela mo go Mmoloki le Modimo wa rona.
11 Gonne neo e e sa rekweng ya poloko ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe; 12 mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le dithato tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi, 13 re lebeletse nako e ntle eo, e re ntseng re e lebeletse, e kgalalelo ya One e tlaa bonwang, kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete.
14 Yo o suleng ka fa tlase ga tshekiso ya Modimo a swela dibe tsa rona, gore a tle a re falotshe mo go weleng gangwe le gape mo sebeng le go re dira ba e leng ba gagwe tota, re na le dipelo tse di tlhatswitsweng le tlhwaafalo ya boammaaruri ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo. 15 O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa.
<- Tito 1Tito 3 ->