5 Borraeno e ne e le badiredi ba bagolo ba Modimo, le Keresete e ne e le mongwe wa lona, e le Mojuta ka fa tlholegong ya gagwe, ene yo jaanong a busang dilo tsotlhe. A go bakwe Modimo ka bosakhutleng!
6 Jalo he, a Modimo ga o a kgona go diragatsa ditsholofetso tsa one mo Bajuteng? Nnyaa! (Gonne ditsholofetso tse ke tsa ba e leng Bajuta tota). Mme ga se gore mongwe le mongwe yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Sejuta ke Mojuta wa boammaaruri! 7 Lebaka la gore ba tswa mo go Aberahame ga le ba dire bana ba ga Aberahame tota. Gonne Dikwalo tsa re ditsholofetso tse ke tsa ga morwa Aberahame ebong Isake le losika lwa gagawe, le fa Aberahame a ne a na le bana ba bangwe gape!
8 Mo ga go reye gore bana botlhe ba ga Aberahame ke ba Modimo, fa e se fela ba ba dumelang tsholofetso ya poloko e o e solofeditseng Aberahame.
9 Gonne Modimo o ne o solofeditse wa re, “Mo ngwageng e e tlang wena le Sara ke tlaa lo naya ngwana wa mosimane.” 10-13 Mme morago ga dingwaga, fa morwawe, Isake, a setse a godile ebile a nyetse, le Rebeka mosadi wa gagwe a tlaa tloga a mo tsholela mawelana, Modimo o ne wa raya Rebeka wa re, Esawe ngwana yo o tlaa tsalwang pele, o tlaa nna motlhanka wa ga Jakoba, lewelana la gagwe. Jaaka mafoko a lokwalo a re, “Ke tlhophile go segofatsa Jakoba, mme e seng Esawe.” Mme Modimo o ne wa bua jaana pele ga bana ba tsholwa, pele ga ba dira se se molemo kgotsa se se bosula. Se se supa gore Modimo o ne wa dira se o neng o se ikaeletse go tsweng kwa tshimologong; e ne e se ka ntlha ya se bana ba se dirileng mme e ne e le ka ntlha ya se Modimo o se batlileng wa se itlhophela.
17 Farwe, Kgosi ya Egepeto, e ne e le sekai sa boammaaruri jo. Gonne Modimo o ne wa mmolelela gore o mo neetse bogosi jwa Egepeto ka maikaelelo a go supa nonofo ya one e e boitshegang ka ene: gore lefatshe lotlhe le tle le utlwe kaga leina la Modimo le le galalelang. 18 Jalo a lo a lemoga, Modimo o siametse bangwe, fela ka gore o batla go ba siamela, gape o dira gore ba bangwe ba gane go reetsa.
19 Jaanong ke eng fa Modimo o ba bona molato wa go tlhoka go reetsa? A ga baa dira se o dirileng gore ba se dire?
20 Nnyaa, se rialo. O mang wena yo o tshwa-yang Modimo diphoso? A selo se se dirilweng se ka raya yo o se dirileng sa re, “Ke eng fa o ntirile jaana?”
21 Fa mmopi wa dinkgwana a bopa nkgwana ka mmopa, a ga a na tshwanelo ya go dirisa lone lekwete leo fela la mmopa go dira nkgwana e nngwe ntle, gore e dirisiwe mo go tlhomeng dithunya, mme e nngwe e dirisiwe go latlhela matlakala mo teng? 22 A Modimo ga o na tshwanelo e e itekane-tseng go supa bogale jwa one le nonofo mo go ba ba tshwanetseng go senngwa, ba o ntseng o le pelotelele mo go bone mo nakong e yotlhe?
23-24 Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng.
25 Gakologelwang se seporofeto sa ga Hosea se se buang? Teng mo go Hosea Modimo wa re o tlaa itshenkela bana ba bangwe (ba ba sa tsweng mo lwapeng lwa one lwa Sejuta), o ba rate, le fa ope a ise a ke a ba rate. 26 Mme baheitane, ba ka bone go kileng ga twe, “Ga lo batho ba me, ba tlaa bidiwa bana ba Modimo o o tshelang.”
27 Isaia moporofiti o ne a goeletsa kaga Bajuta a re, “Le fa ba ka ne ba le didikadike, ke palonyana fela e e seng kae e e bolokwang. 28 Gonne Morena o tlaa diragatsa katlholo ya gagwe mo lefatsheng, ka bofefo a khutlisa ditiro tsa gagwe, a di khutshwafatsa ka bomolemo.”
29 Mme ke jaaka Isaia a rile, “Fela fa e ne e se ka kutlwelobotlhoko ya Modimo Bajuta botlhe ba ne ba tlaa nyelela.”