5 A Modimo o o nayang bopelotelele, boiketlo, le kgothatso o lo thuse gore lo tshedisanye ka kutlwano, mongwe le mongwe mo go yo mongwe ka mokgwa wa ga Keresete. 6 Ke gone rotlhe re ka galaletsang Morena mmogo ka lentswe le le lengwe fela, re galaletsa Modimo, Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete.
7 Jalo he, amogelanang ka boitumelo mo phuthegong, fela jaaka Keresete a lo amogetse ka boitumelo; ke gone Modimo o tlaa galalediwang. 8 Gakologelwang gore Jesu Keresete o tletse go supa gore Modimo o boammaaruri mo ditsholofe-tsong tsa one le go thusa Bajuta. 9 Gape gakologe-lwang gore o tletse le gore Badichaba ba bolokwe mme ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya one mo go bone. Ke sone se Mopesalema a neng a se raya fa a kwala a re, “Ke tlaa go galaletsa mo go Badichaba, ke bo ke baka leina la gago.” 10 Mme o buile mo felong gongwe a re, “Itumeleng, lona Badichaba, mmogo le batho ba one Bajuta.”
11 Mme gape a re, “Galaletsang Morena, lona Badichaba, a mongwe le mongwe a mo galaletse.” 12 Le moporofiti Isaia o rile, “go tlaa nna morua-boswa mo lotsong lwa ga Jesu, mme o tlaa nna Kgosi ya Badichaba; ba tlaa solofela mo go ene a le nosi.”
13 Jalo ke a lo rapelela Badichaba gore Modimo o o lo nayang tsholofelo o tle o lo itumedise o lo tlatse ka kagiso fa lo ntse lo dumela mo go one. Ke rapela gore Modimo o lo thuse gore lo tlale tsholofelo mo go one ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo mo go lona.
20 Mme legale mo lobakeng lo lotlhe, maikaelelo a me e ntse e le go re ke fetele kwa pele, ke rere kwa leina la ga Keresete le iseng le ke le utlwale teng, go na le go rera kwa phuthego e setseng e simolotswe ke mongwe teng. 21 Ke ntse ke setse morago leano la ga Keresete le le buiwang mo dikwalong mo Isaia a reng, “Ba ba iseng ba ke ba bo ba utlwe kaga leina la ga Keresete pele ba tlaa bona ebile ba tlaa tlhaloganya.” 22 Tota, leo ke lone lebaka le ke ntseng ke sa lo etele ka lone.
23 Mme legale jaanong ke feditse tiro ya me fano, ke setse ke siametse go tla jaanong morago ga dingwaga tse tsotlhe tsa tetelo. 24 Gonne ke ikaelela go ya kwa Sepaina, mme fa ke ya teng, ke tlaa ema mo Roma; mme fa re sena go nna mmogo ka lobakanyana ke gone lo ka ntetlelelang go tswelela pele le mosepele wa me.
25 Mme pele ga ke tla koo, ke tshwanetse go fologela kwa Jerusalema ke isa mpho kwa Bakereseteng ba teng ba Sejuta. 26 Gonne lo bona gore Bakeresete ba Masedonia le Akaia ba ntsheditse Bakeresete ba Jerusalema ba ba mo mathateng mpho.
27 Ba ne ba itumela thata go dira jaana, gonne ba ne ba ikutlwa gore ba kolota Bakeresete ba Jerusalema. Ka go reng? Gonne dikgang kaga Keresete di tsile kwa go bone di tswa kwa phuthegong e e mo Jerusalema. Mme ka ba amogetse neo e ntle e ya semowa ya Mafoko a a Molemo mo go bone, ba bona gore bonnyennyane jo le bone ba ka bo ba direlang ke go ba fa thuso ya tse di tlhokwang ke nama. 28 E tlaa re fela ke sena go gorosa madi a, le go fetsa tiro e ya bone e e molemo, ke tlaa tla go lo bona ke le mo tseleng ya me ya go ya Sepaina. 29 Mme ke tlhomamisa gore e tlaa re fa ke tla, ke lo tlele lesego le legolo le le tswang mo Moreneng.
33 Mme ke gone a Modimo wa rona, o o re nayang kagiso, o nne le lona lotlhe.