5 Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa. 6 Fa o na le malatsi a a tlhophegileng a go obamela Morena, o leka go mo tlotla; o dira selo se se molemo. Le motho yo o jang nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa o ntse fela jalo; o leboga Morena ka yone; le ene o dira sentle. Mme le motho yo o sa batleng go ama nama eo, le ene o gakaletse go itumedisa Morena gape o a leboga. 7 Ga re itaolele go tshela le go swa jaaka rona re ne re ka itlhophela. 8 Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena, le fa ree swa re swela Morena. Re ba Morena ntlheng tsotlhe. 9 Gonne Keresete o ne a swela a bo a rulela one mogopolo o, gore a nne Morena wa rona rotlhe fa re santse re tshela le fa ree swa.
10 Ga o na tshwanelo ya go tshwaya wa gaeno diphoso kgotsa go mo nyatsa. Gakologelwa gore, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela fa pele ga setilo sa tshekelo sa Modimo. 11 Gonne Jehofa o kwadile a re, “Jaaka ke tshedile, mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” 12 Ee, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela mo Modimong. 13 Jalo he, lo seka lwa tlhola lo nyatsana. Mo boemong jwa moo, leka go tshela ka tsela e e leng gore ga o kitla o dira gore wa gaeno a kgopiwe ka go dira gore a bone o dira se ene a ithayang a re ga se a siama.
14 Tota fela nna, ke tlhomamisa sentle fela thata mo taolong ya Morena Jesu gore, ga go na molato ope mo go jeng dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mme fa mongwe a dumela gore go phoso, hong a seka a e ja ka ntlha ya gore mo go ene ke molato.
15 Mme fa mokaulengwe wa gago a tshwenyega ka se o se jang, ga o dire ka fa loratong fa o tswelela ka go se ja. Se dire gore se o se jang se koafatse mongwe yo Keresete o mo swetseng. 16 Se dire sepe se se tlaa go iteisang letswalo le fa tota o itse gore se o se dirang se tlhamaletse. 17 Gonne tota fela, sa botlhokwa mo go rona re le Bakeresete, ga se se re se jang kgotsa se re se nwang fa e se go dira bomolemo le kagiso le boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo.
18 Fa o letla Keresete go nna Morena mo dilong tse, Modimo o tlaa itumela; fela jalo le ba bangwe ba tlaa itumela. 19 Ka yone tsela e, ikaeleleng go agisanya ka kagiso mo phuthegong lo bo lo leke go agelelana ka go godisanya mo tumelong.
20 Lo seka lwa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Gakologelwang gore, ga go na sepe se se molato mo nameng, mme go phoso go e ja fa e kgopisa yo mongwe. 21 Selo se se siameng go dirwa ke go tlogela go ja nama kgotsa go nwa mofine kgotsa go dira sengwe se se kgopisang mokaulengwe wa gago kgotsa se mo leofisa. 22 O ka itse gore ga go na molato mo go se o se dirang, le ka fa BoModimong, mme se ipolokele mo pelong; se supe tumelo ya gago ka boikgogomoso fa pele ga ba bangwe, ba e ka reng kgotsa ya ba kgopisa. Ka mabaka a a ntseng jaana, go sego motho yo o sa leofeng ka go dira se a itseng gore se siame. 23 Mme le fa e le mang yo o dumelang gore selo se o batlang go se dira ga se a tshwanela, a seka a se dira. Fa a se dira o a leofa, gonne o akanya gore ga se a siama, jalo he, mo go ene ga se a tshwanela. Le fa e le eng se se dirwang kwa ntle ga se a bonang se siame, ke sebe.
<- Baroma 13Baroma 15 ->