2 Jalo ba ba ganang go obamela melao ya mmuso ba gana go obamela Modimo, mme kwatlhao e tlaa nna teng.
3 Gonne lepodisi ga se setshosa mo go ba ba dirang tshiamo; mme ba ba dirang bosula ba tlaa aga ba le boifa. Jalo fa o sa batle go tshelela mo poifong, tshegetsa melao mme o tlaa tswelela sentle. 4 Lepodise le romilwe ke Modimo go go thusa. Mme fa o dira sengwe se se bosula, ee, o tshwanetse go tshoga, gonne le tlaa go tshwara gore o otlhaiwe. Le rometswe ke Modimo go dira yone tiro eo. 5 Obamela melao, mme ka ntlha ya mabaka a mabedi a: lebaka la ntlha ke go go dibela gore o seka wa otlhaiwa, mme lebaka la bobedi ke fela ka gore o itse gore o tshwanetse go o obamela.
6 Duelang le makgetho a lona, ka ntlha ya one mabaka a mabedi a. Gonne badiredi ba mmuso ba tlhoka go duelwa gore ba tle ba nne ba tswelele ba dira tiro ya Modimo, ba lo direla.
7 Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa,
11 Lebaka le lengwe la go tshela ka tlhamalalo ke le: lo itse gore nako e setse e fetile thata jang: nako e a fela. Tsogang, gonne go tla ga Morena go gautshwane jaanong, go na le jaaka re ne re dumela lwa ntlha. 12-13 Bosigo bo setse bo fetile, letsatsi la go bowa ga gagwe le tlaa tloga le goroga. Jalo latlhang ditiro tse di bosula tsa lefifi lo apare seaparo sa tshiamo sa go tshela ka tlhamalalo, jaaka rona ba re nnang mo leseding re tshwanetse go dira! Nnang molemo le boammaaruri mo go sengwe le sengwe se lo se dirang gore botlhe ba tle ba dumelane le maitseo a lona. Se diriseng nako ya lona mo medirong e e sa siamang, le mo go tagweng kgotsa mo kgokafalong le dithato tsa nama, kgotsa mo ntweng, kgotsa mo lefufeng. 14 Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa dithato tsa yone.
<- Baroma 12Baroma 14 ->