4-8 Ke ba le kae ba ba neetsweng lotshwao lo? Ke ne ka utlwa gotwe palo ya bone ke dikete di le lekgolo le masome a masome a mane le bone, mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele tse di lesome le bobedi, jaaka di rulagantswe fa: Juda 12,000 Rubene 12,000, Gade 12,000, Ashe 12,000, Nafetali 12,000, Manasa 12,000, Simeone 12,000, Lefi 12,000, Isekare 12,000, Sebulane 12,000, Josefa 12,000, Benjamine 12,000.
11 Mme jaanong baengele botlhe ba bo ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le bagolwane le ditshedi tse nne, ba digile difatlhogo fa pele ga setilo sa bogosi ba obamela Modimo. 12 Ba re, “Amen! Pako, le kgalalelo, le botlhale, le malebogo, le tlotlo, le nonofo, le thata di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng. Amen!”
13 Hong mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a mpotsa a re, “A o itse gore ba ke bo mang ba ba apereng bosweu le gore ba tswa kae?”
14 Ka re, “Nnyaa, Morena, tswee-tswee mpolelela.” A re, “Ba ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse ka madi a Kwana. 15 Ke gone ka moo ba leng fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ba mo direla bosigo le motshegare mo tempeleng ya gagwe. Yo o ntseng mo setilong sa bogosi o tlaa ba sireletsa; 16 ga ba kitla ba tlhola ba tshwarwa ke tlala gape, kgotsa lenyora, mme ba tlaa sirelediwa ka botlalo mo mogoteng o o fisang wa letsatsi. 17 Gonne Kwana yo o emeng fa pele ga setilo sa bogosi o tlaa nna modisa wa bone a bo a ba etelela pele a ba isa kwa metsweding ya metse a Botshelo. Mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsa bone.”
<- Tshenolo 6Tshenolo 8 ->