3 Mme baopedi ba ba ditswerere ba, ba ba neng ba le sekete le masome a mane le bone, ba opela sefela se se monate se sesha fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane ba ba masome a mabedi le bone; mme go ne go se na ope yo o ka opelang sefela se fa e se ba ba sekete le masome a mane le bone, ba ba neng ba golotswe mo lefatsheng. 4 Gonne ga ba a leswafadiwa ke sepe mo meweng, ba itshekile jaaka makgarebane, ba sala Kwana morago gongwe le gongwe kwa o ya teng. Ba ne ba rekilwe mo gare ga batho ba ba mo lefatsheng e le ba ba tshwaetsweng Modimo. 5 Ga go na maaka a ba ka bewang molato ka one, ga ba na selabe sepe.
7 A goela kwa godimo a re, “Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.”
8 Mme moengele yo mongwe a mo latela mo legodimong, a re, “Babelone o ole, o ole, ebong motse o mogolo ole, ka ntlha ya gore o tsieditse dichaba tsa lefatshe a di raya a re di tlhakanele mofine wa gagwe wa boitshekologo le boleo.”
9 Mme moengele wa boraro a ba latela a goa a re, “Mongwe le mongwe yo o obamelang sebatana se se tswang mo lewatleng le setshwantsho sa sone sa leje a bo a amogela lotshwao lwa sone mo phatleng kgotsa mo seatleng, 10 o tshwanetse go nwa mofine wa bogale jwa Modimo o sa timolwa. Mme ba tlaa tlhokofadiwa ka molelo le ka sebabole mo ponong ya baengele ba ba boitshepo le Kwana. 11 Mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng, mme ga ba kitla ba nna le setshwantsho sa sone sa leje, mme gape ba tshwailwe palo ya leina la one.
12 “A se se kgothatse batho ba Modimo go itshokela teko nngwe le nngwe le pogiso ka bopelotelele, gonne baitshepi ba gagwe ba ba nnang ba nitame go ya kwa bofelong ba reetsa ditaolo tsa gagwe ebile ba ikanya Jesu.”
13 Mme ka utlwa lentswe le tswa mo magodimong le re, “Kwala se: kwa bofelong lobaka lo fitlhile lwa gore baswela-tumelo ba tsene mo tuelong ya bone e e tletseng. Ee, go bua Mowa wa re, ba sego thata, gonne jaanong ba tlaa ikhutsa mo matsapeng a bone le diteko, gonne ditiro tsa bone tse di molemo di ba sala morago go ya legodimong!”
15 Mme moengele a tswa mo tempeleng mme a mo tlhaeletsa, a re, “Simolola go dirisa thipa, gonne lobaka lo go tletse gore o robe; thobo e budule mo lefatsheng.” 16 Hong ene yo o ntseng mo lerung a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe, mme thobo ya kokoanngwa. 17 Morago ga moo moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e kwa legodimong, le ene a bo a tshotse thipa e e bogale. 18 Gone fela foo moengele yo o nang le nonofo ya go nyeletsa lefatshe ka molelo, a tlhaeletsa moengele yo o neng a tshotse thipa a re, “Dirisa thipa jaanong go kgaola masitlha a mofine wa lefatshe, gonne a budule sentle go sekisiwa.” 19 Jalo moengele a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe mme a olela masitlha a mofine mo segatelong se segolo sa bogale jwa Modimo. 20 Mme masitlha a mofine a gatakwa mo segatelong kwa ntle ga motse, mme madi a elela mo molatswaneng o o boleele jwa dimmaele di le makgolo a mabedi ebile o le kwa godimo jaaka ditomo tsa pitse.
<- Tshenolo 13Tshenolo 15 ->