Tshenolo
1 Lokwalo lo lo senola ditiro dingwe tse di tlaa akofang di diragala ka lobaka lo lo tlang mo botshelong jwa ga Jesu Keresete. Modimo o mo letlile go senolela motlhanka wa gagwe Johane dilo tse mo ponatshegelong; mme moengele a romelwa a tswa legodimong go tlhalosa gore ponatshegelo e raya eng.
2 Johane a kwala gotlhe mo, ebong Mafoko a Modimo le a ga Jesu Keresete le sengwe se a se utlwileng le se a se bonyeng.
3 Fa o balela phuthego polelo pele e, o tlaa amogela lesego le le faphegileng le le tswang mo Moreneng. Ba ba e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang, le bone ba tlaa segofala. Gonne lobaka lo atametse lo dilo tse di tlaa diragalang ka lone.
7 Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen!
8 “Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape!
12 Erile fa ke retologa bona yo o neng a bua le nna, teng fa morago ga me ga bo go le dipone di supa tsa gauta. 13 Mme mo gare ga tsone ga bo go eme mongwe yo o neng a tshwana le Jesu yo o neng a ipitsa Morwa Motho, a apere kobo e telele a itlamile ka moitlamo wa gauta go kgabaganya sehuba sa gagwe. 14 Moriri wa gagwe o ne o le mosweu jaaka bobowa kgotsa kapoko, le matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo. 15 Dinao tsa gagwe di ne di phatsima jaaka kgotlho e e ntlafaditsweng mo leubelong le lentswe la gagwe la gagwe le Suma jaaka makhubu a lewatle a itaaka lotshitshi. 16 O ne a tshotse dinaledi di supa mo seatleng sa gagwe se segolo le chaka e e lootsegileng e e ntlha pedi mo molomong wa gagwe, le sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka nonofo ya letsatsi mo go senang maru.
17-18 Erile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka ekete ke sule; mme a baya seatla sa gagwe se segolo mo go nna a re, “Se boife! Le fa ke le wa Ntlha le wa Bofelo, yo o tshelang yo o neng a swa, yo jaanong o tshelang ka bosakhutleng, yo o tshotseng dilotlele tsa molete le loso, se boife!
19 “Kwala se o ntseng o se bona, le se o tlaa tlogang o se supegediwa. 20 Se ke tlhaloso ya dinaledi tse di supang tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le dipone tse di supang tsa gauta: dinaledi tse di supang ke baeteledipele ba diphuthego di supa, mme ditlhomo tse di supang ke diphuthego ka bo tsone.
Tshenolo 2 ->