2 Mme ba re, “Ga re ka ke ra dira jalo ka letsasi la modiro wa Tlolaganyo, e ka re kgotsa ga nna pheretlhego.”
3 Ka lobaka loo Jesu o ne a le kwa Bethania, mo tlung ya ga Simone wa molepero; ka nako ya dijo tsa maitseboa, mosadi mongwe a tla a tshotse kurwana ya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se se nkgang monate. Hong a thuba kurwana, a tshela setlolo mo tlhogong ya gagwe.
4-5 Bangwe ba ba neng ba le fa lomating lwa bojelo ba galefa thata kaga “tshenyo” eo, ka fa ba neng ba bua ka teng. Ba re, “O ka bo a rekisitse setlolo seo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mme a naya bahumanegi madi ao!”
6 Mme Jesu a re, “Mo leseng, lo mo omanyetsang ka go dira selo se se molemo. 7 Gonne lo na le bahumanegi malatsi otlhe mme ba tlhoka thuso mo go lona thata, lo ka kgona go ba thusa nako nngwe le nngwe e lo batlang go ba thusa ka yone; mme ga ke na go nna le lona ka lobaka lo lo leele. 8 O dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale. 9 Mme ke lo bolelela ka tlhwaafalo ya boammaaruri gore gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, tiro ya mosadi yo, e tlaa nna e gakologelwa, e bo e galalediwa.” 10 Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti go ya go rulaganya go ba okela Jesu.
11 Erile fa baperesiti ba bagolo ba utlwa gore o tletse eng ba itumela thata ba bo ba mo solofetsa tuelo. Hong a simolola go batla nako e e siameng le lefelo le o ka okelang Jesu mo go lone.
16 Mme barutwa ba babedi ba tswelela jalo ba tsena mo motsing ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka Jesu a ba boleletse, mme ba baakanyetsa Tlolaganyo.
17 Mo maitseboeng Jesu a goroga le barutwa ba bangwe, 18 mme ya re ba ntse fa lomating lwa bojelo ba a ja, Jesu a re “Ammaaruri ke a lo raya mongwe wa lona o tlaa nkoka, mongwe wa lona yo o leng fano yo ke jang nae.”
19 Mme ba tlala khutsafalo e kgolo botlhe, mme mongwe le mongwe wa bone a mmotsa a re, “A ke nna?”
20 Mme a araba a re, “Ke mongwe wa lona ba ba lesome le bobedi yo ke jang nae fano gompeino. 21 Ke tshwanetse go swa, fela jaaka baporofiti ba boletse bogologolo; mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo fa a ka bo a sa tsalwa.” 22 Ya re ba ntse baa ja Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya a se ba naya a re, “Jaang se, ke mmele wa me.”
23 A tsaya senwelo sa mofine a leboga Modimo kaga sone a se ba naya, mme botlhe ba a nwa mo go sone. 24 Mme a ba raya a re, “Se ke madi a me, a a tshololetsweng batho ba le bantsi, a a kanelang kgolagano e ncha ya Modimo le batho. 25 Ammaaruri ke a lo raya ga nke ke tlhola ke e nwa loungo lwa mofine go fitlhelela letsatsi le ke nwang mofuta o sele mo Bogosing jwa Modimo.”
26 Hong ba opela sefela mme ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.
28-29 Petere a mo raya a re, “Nna ga nkake ka go tlogela le fa ba bangwe ba ka go tlogela!”
30 Jesu a re, “Petere, Pele ga koko e tonanyana e lela la bobedi ka moso mo mosong o tla bo o intatotse gararo.”
31 Mme Petere a re, “Nnyaa! Le fa nkabo ke na le go swa nao ga nkake ka go itatola!” Mme ba ikana fela jalo botlhe.
33 Mme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya nabo, a simolola go fuduega thata le go tshwenyega. 34 A ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata mo ruri go isang losong; nnang fano, lo lebelele le nna.”
35 A tsamaela fa pelenyana a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ne go kgonega nako e e boitshegang e e mo letetseng e seka ya mo diragalela.
36 Mme a re, “Rara, Rara, dilo tsotlhe di ka diragala mo go wena. Tlosa senwelo se mo go nna. Le fa go ntse jalo ke batla thato ya gago, eseng ya me.”
37 Hong a boela kwa barutweng ba gagwe ba bararo a ba fitlhela ba robetse, a re, “Simone a o robetse? A o ne o sa ka ke wa leta le nna lobaka lwa oura e le nngwe fela? 38 lebelelang le nna lo rapele gore moraedi a seka a lo fenya. Gonne le fa mowa o le tlhaga mmele o bokoa.”
39 Mme a boa gape a ya go rapela, a boeletsa kopo ya gagwe. 40 A boela gape kwa go bone a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba lapile thata. Ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng.
41 La boraro fa a boela kwa go bone a ba raya a re, “Tswelelang lo robale; Lo itapolose! Nnyaa! Nako ya go robala e setse e fetile! Bonang! ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula. 42 Tsogang! Re tshwanetse go tsamaya! yo o nkokang o gaufi!”
44 Judase o ne a ba boleletse gore, “Yo ke tlaa yang kwa go ene go mo dumedisa, lo itse gore ke ene mme lo mo tshware. Mme lo ka mo tsaya motlhofo.”
45 Mme erile fela jaaka ba goroga, a tlhamalalela kwa go Jesu, a re, “Morena!” Mme a mo tlamparela ka tshupo ya botsalano jo bogolo. 46 Jalo setlhopha sa batho sa mo tshwara. 47 Gone fela foo, mongwe a somola chaka, a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo tsebe.
48 Jesu a ba botsa a re, “A ke serukhutlhi se se diphatsa, gore lo bo lo tla ka tsela e lo tlang ka yone, lo tla kwa go nna lo ipapanne ka ditlhabano? 49 Ke eng lo ile lwa seka lwa ntshwara kwa Tempeleng? Ke ne ke le teng koo, ke ruta letsatsi le letsatsi. Mme le fa go ntse jalo, dilo tse di dirafala gore di tlatse diperofeso tse di buang ka ga me.”
50 Ka nakonyana, barutwa ba gagwe botlhe ba bo ba tshabile. 51-52 Mme le fa go ntse jalo ga bo go le lekawana lengwe le mo setse morago, le apere seaparo sa leloba e le seaparo sa bosigo. Ya re setlhopha seo se leka go mo tshwara, a falola, le fa go ntse jalo diaparo tsa gagwe tsa gagoga, a tshaba a sa ikatega.
55 Mo teng baperesiti ba bagolo le ba Kgotla kgolo ya tshekelo ya Sejuta ba ne ba leka go bona sengwe se ba ka pegang Jesu molato ka sone gore ba tle ba mmolaye. Mme ga se ka ga kgonega. 56 Basupi ba le bantsi ba maaka ba ne ba ithaopa, mme bosupi jwa bone jwa ganetsanya.
57 Lwa bofelo ga ema banna ba bangwe ba bua maaka ka ga gagwe ba re, 58 “Re mo utlwile a re, ‘Ke tlaa senya Tempele e e agilweng ka diatla tsa batho mme mo malatsing a le mararo ke tlaa aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla!’ ” 59 Le fa go ntse jalo ga ba ise ba ke ba bo ba bue polelo e e tlhamaletseng!
60 Hong Moperesiti yo mogolo a ema fa pele ga Lekgotla a botsa Jesu a re, “A o gana go arabela molato o? O na le eng se o ka iphemelang ka sone?” 61 Mme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?”
62 Jesu a araba a re, “Ke ene, mme lo tlaa mpona ke ntse ka fa letsogong la Modimo le legolo, ke tla mo lefatsheng ka maru a legodimo.”
63-64 Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a re, “Re sa ntse re tlhoka eng gape? Re sa ntse re tlhoka bosupi jwa eng? Lo setse lo utlwile tlhapatso ya gagwe. Katlholo ya lona ya reng?” Mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore a atlholelwe loso.
65 Mme bangwe ba bone ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhogo ba mo itaya ka mabole. Ba mo sotla ba re, “Ke mang yo o go iteileng moporofiti?” Ba mo nyonnyobetsa. Le masole tota a ne a mo itaya ka mabole fa a ntse a tsamaya nae.
68 Petere a itatola a re, “Ga ke itse se o buang ka ga sone!” A tswela kwa ntle kwa mathuding a lolwapa. Gone fela foo koko e tonanyana ya lela.
69 Mme morweetsana a mmona a eme foo a simolola go bolelela ba bangwe, a re, “Ke yole morutwa wa ga Jesu!”
70 Petere a itatola gape. Moragonyana bangwe ba ba neng ba dikaganyeditse molelo ba simolola go raya Petere ba re, “Le wena o mongwe wa bone, gonne o tswa Galalea!”
71 A simolola go tlhapatsa a ikana a re, “Ga ke mo itse monna yo lo buang ka ga gagwe.”
72 Ka bonako koko e tonanyana ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng, “Pele ga koko e tonanyana e lela lwa bobedi o tla a bo o intatotse gararo.” Mme a simolola go lela.
<- Mareko 13Mareko 15 ->