2 Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone. 3 Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang.
4 Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule. 5 Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe, 6 mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone. 7 Mme jaanong, itlhaganeleng lo ye go itsise barutwa ba gagwe gore o tsogile mo baswing le gore o ya kwa Galalea go rakana nabo teng. Ke one molaetsa wa me o ke o lo nayang.
8 Basadi ba akofa ba tloga fa phupung ba tshogile gape ba itumetse thata, mme ba itlhaganelela go batla barutwa go ba bolelela molaetsa wa moengele. 9 Mme ya re ba santse ba siane, ka tshoganetso Jesu a ba kgatlhantsha! A re, “Dumelang!”. Ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba mo tshwara dinao ba mo obamela.
10 Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.”
14 Mme phuthego ya ba solofetsa ya re, “Fa molaodi a ka utlwa ka ga kgang e, re tlaa lo sireletsa mme sengwe le sengwe se tlaa siama.”
15 Jalo mapodisi a dumalana go rekwa ka madi, mme ba bua se ba neng ba se rutilwe. Polelo ya bone ya anama mo Bajudeng, le gompieno e sa ntse e dumelwa.
18 A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing. 19 Ke gone tsamayang mme lo dire barutwa mo merafeng yotlhe, lo ba kolobetse mo ineng la ga Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo. 20 Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.”
<- Mathaio 27