7 Hong Kgosi e e galefileng ya bolotsa ntwa ya yone ya bolaya babolai ya tshuba motse wa bone. 8 Mme ya raya batlhanka ba yone ya re, “Modiro wa lenyalo o siame, mme baeng ba ke ba laleditseng ga ba a tshwanelwa ke tlotlo. 9 Jaanong tsamayang mo mebileng ya motse lo laletse mongwe le mongwe yo lo mmonang.”
10 Mme batlhanka ba dira fela jalo, ba lere batho botlhe, basiami le baleofi ka go tshwana; mme ntlo ya tlala balalediwa. 11 Mme e rile fa Kgosi e tla go rakana le balalediwa, ya bona monna yo a neng a sa apara seaparo sa lenyalo (se a neng a se neetswe). 12 Kgosi ya botsa ya re, “Tsala, go diragetse jang gore o bo o le fano o sena seaparo sa lenyalo?” Mme monna a tlhoka karabo.
13 Hong Kgosi ya raya bathusi ba yone ya re, “Mo golegeng mabogo le maoto lo mo latlhele kwa ntle mo lefifing kwa go nang le selelo le khuranyo ya meno gone.” 14 Gonne ba le bantsi ba biditswe, mme ba se kae ba itshenketswe!
18 Mme Jesu a bona se ba neng ba se ikaeletse. A re, “Baitimokanyi ke lona! Lo leka go tsietsa mang ka dipotso tsa lona tsa bolotsana? 19 Ntshupegetsang ledi,” Mme ba le mo naya.
20 A ba botsa a re, “Le tshwantshitswe mang? Gape leina le le ka fa tlase ga setshwantsho se ke la ga mang”?
21 Ba mo fetola ba re, “la ga Kaisara.” Mme a ba raya a re, “Go siame le neyeng Kaisara fa e le la gagwe, mme lo neele Modimo sengwe le sengwe se e leng sa one.”
22 Mme phetolo ya gagwe e ne ya ba gakgamatsa ya ba ya ba palela ba mo tlogela ba tsamaya.
29 Mme Jesu a re, “Phoso ya lona e dirwa ke bosenakitso jwa lona jwa go tlhoka go itse dikwalo le nonofo ya Modimo. 30 Gonne mo tsogong ya baswi ga go na lenyalo; mongwe le mongwe o tshwana le baengele mo legodimong. 31 Mme jaanong, fa e le gore go na le tsogo ya baswi, a ga lo ke lo bala dikwalo? A ga lo lemoge gore Modimo o ne o bua le lona fa o re, 32 ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Jalo Modimo ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi.”
33 Bontsintsi jwa batho jwa itumedisiwa thata ke dikarabo tsa gagwe.
36 “Morena, taolo ya botlhokwa mo melaong ya ga Moshe ke efe?”
37 Jesu a fetola a re, “ ‘Rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka mowa le tlhaloganyo.’ 38-39 E ke taolo ya ntlha ebile e le e kgolo. Ya bobedi ya botlhokwa thata e e tshwanang le yone ke e e reng: ‘Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.’ 40 Ditaolo tse dingwe tsotlhe le se se batlwang ke baporofiti di tswa mo melaong e mebedi e, mme e diragadiwa fa e tshegediwa. Tshegetsa yone e mebedi e fela, mme o tlaa bona gore o tshegeditse e mengwe yotlhe.” 41 Mme ya re a farafarilwe ke Bafarasai, a ba botsa potso a re:
42 “Lo gopolang ka ga Mesia? Ke Morwa mang?” Ba araba ba re “Ke Morwa Dafide.”
43 Mme Jesu a botsa a re, “Mme ke eng fa Dafide, a bua ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo, a mmitsa a re ‘Morena’ Ka gore Dafide o rile, 44 ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong la me le legolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago!’ 45 Mme fa Dafide a mmitsa ‘Morena’, e ka nna morwawe jang?”
46 Ba tlhoka karabo. Mme morago ga moo ba tshaba go tlhola ba mmotsa dipotso tse dingwe.
<- Mathaio 21Mathaio 23 ->