2 A ba raya a re, “E tlaa re fela fa lo tsena teng lo tlaa bona tonki e golegilwe le tonkana ya yone e le fa thoko ga yone. Lo bo lo di golola lo di lere kwano. 3 Fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena o a di batla’, mme ga go na go nna matshwenyego ape.”
4 Se se ne se dirwa go diragatsa seporofeso sa bogologolo se se reng, 5 “Bolelela Jesusalema gore Kgosi ya gagwe e tla kwa go ene, ka bonolo e palame tonkana.”
6 Barutwa ba babedi ba dira ka fa Jesu a neng a ba boleletse, ka teng, 7 ba lere tonki le tonkana kwa go ene, ba pega diaparo tsa bone mo godimo ga tonkana gore a nne mo godimo ga tsone. 8 Mme ba bangwe mo bontsintsing jwa batho ba ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, ba bangwe ba kgetla dikala tsa ditlhare ba di ala fa pele ga gagwe.
9 Hong bontsi jwa batho ba ba mo eteletseng pele le ba ba kwa morago ba goa ba re, “Modimo segofatsa Morwa Kgosi Dafide! Mo galaletse mo segofatse, Morena A go bakwe Modimo mogodimodimo!”
10 Motse otlhe wa Jerusalema o ne wa huduega fa a tsena. Ba botsa ba re, ke mang yo?
11 Mme bontsintsi jwa batho jwa fetola jwa re, “Jesu Moporofiti yo o tswang Nasaretha wa Galalea.”
14 Hong difofu le digole tsa tla kwa go ene mme a di fodisa teng mo tempeleng. 15 Mme ya re baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba bona dikgakgamatso tse di ntle tse ba bile ba utlwa le bananyana ba goa mo tempeleng ba re, “Modimo segofatsa Morwa Dafide,” ba ne ba se ka ba itumela ba gakala ba mmotsa ba re, “A o utlwa se bana ba ba se buang?”
16 Jesu a fetola a re, “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale dikwalo? Gonne tsa re, ‘Le bananyana tota ba tlaa mo galaletsa!’ ”
17 Hong a boela kwa Bethania, kwa a letseng teng.
20 Barutwa ba gakgamala thata ba bo ba mmotsa ba re, “Setlhare sa mofeige se omeletse ka bofefo jang?”
21 Mme Jesu a ba raya a re, “Ammaaruri, fa lo na le tumelo lo sa belaele, lo ka dira dilo tse di ntseng jaana le go feta. Lo ka ba lwa raya thaba e ya Lotlhare lwa re, ‘Thabuela mo lewatleng,’ mme go ka diragala. 22 Lo ka amogela sengwe le sengwe, se lo se kopang ka thapelo fa lo dumela.”
24 Jesu a ba fetola a re “Ke tlaa lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe pele. 25 A Johane wa Mokolobetsi o ne a romilwe ke Modimo, kgotsa nnyaa?” Ba ne ba gakololana ka fa ba ka arabang ka teng potso e, ba re, “Fa re re, ‘o ne a romilwe ke Modimo’, hong o tlaa re botsa gore ke eng re ne re sa dumele se Johane o neng a se bua. 26 Mme fa re ganela gore Modimo o mo romile, re tlaa tlhaselwa ke bontsi jwa batho, gonne bontsi jotlhe bo dumela gore e ne e le moporofiti.” 27 Hong lwa bofelo ba fetola ba re, “Ga re itse!” Mme Jesu a re, “Jalo le nna ga ke na go araba potso ya lona ka tsela epe.”
34 “E rile ka nako ya thobo ya maungo a mofine a roma baemedi ba gagwe kwa baleming go ya go tsaya seabe sa gagwe. 35 Mme balemi ba tlhasela batlhanka ba gagwe, ba itaya yo mongwe, ba bolaya yo mongwe, ba kgobotletsa yo mongwe ka matlapa.
36 “Hong a roma setlhopa se segolwane sa batlhanka ba gagwe go ya go mo tseela seabe, mme ba diragalelwa ke se se diragaletseng batlhanka ba ntlha. 37 Lwa bofelo mong wa tshimo a roma morwawe a gopola gore ba tlaa mo tshoga seemo ba mo tlotle.
38 “Mme e rile fa balemi ba bona morwawe a tla, ba buisanya ba re ‘Moja boswa ke yoo o e tla; tlaang, re mmolayeng re bo itseele!’ 39 Jalo ba mo swaswailela ka kwa ntle ga tshimo ya mafine ba mmolaya.
40 “Fa mong wa tshimo a boa, lo akanya gore o tlaa feta a dirang ka balemi bao?”
41 Baeteledipele ba Sejuda ba fetola ba re, “O tlaa bolaya batho bao ba ba bosula ka polao e e setlhogo, mme a hirisetse ba bangwe tshimo ya gagwe ba ba tlaa mo duelang ka fa tshwanelong.”
42 Hong Jesu a ba botsa a re, “A ga lo ise lo ke lo bale mo dikwalong gore: ‘Lentswe le le gannweng ke baagi le dirilwe lentswe la kgokgotso le le tlotlegang. Ana go gontle jang! Morena o dirile selo se se gakgamatsang jang mo matlhong a rona?’
43 “Se ke se rayang ke gore Bogosi jwa Modimo bo tlaa tsewa mo go lona bo neelwe chaba e e tlaa neelang Modimo seabe sa one sa thobo ya maungo. 44 Botlhe ba ba kgotswang mo lefikeng le la boammaruri, ba tlaa robega, mme ba ba welang godimo ba tlaa phatlalala jaaka lorole.”
45 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuda ba lemoga gore Jesu o ne a bua ka ga bone, gore e ne e le balemi mo polelong ya gagwe, 46 ba ne ba batla go mmolaya, mme ba boifa go lekeletsa ka ntlha ya bontsintsi jwa batho, gonne bo ne bo kaya Jesu e le moporofiti.
<- Mathaio 20Mathaio 22 ->