3 A ba laela a re, “Se tseyeng le fa e le seikokotlelo, kgotsa kgetsana ya loeto, kgotsa dijo, kgotsa madi le fa e le hempe e nngwe. 4 Lo nne fela fa lo gorogetseng teng mo motsing mongwe le mongwe.
5 “Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.”
6 Mme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse.
7 Mme e rile fa dipolelo tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu di tsena kwa go Herode wa mmusi, a tshwenyega thata a akabala, gonne bangwe ba ne ba re “Ke Johane wa Mokolobetsi o rudile”, 8 ba bangwe ba re, “Ke Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile mo losong.” Mme magatwe a a anama le lefatshe lotlhe.
9 Mme Herode a re, “Ke kgaotse Johane tlhogo.” “Jaanong ke mang monna yo ke utlwang dipolelo tse di sa tlwaelesegang ka ga gagwe?” Mme a eletsa go mmona.
12 Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”
13 Mme Jesu a fetola a re, “Ba feng dijo!” Mme bone ba re, “Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?” 14 Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, “Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano.” 15 Mme ba dira jalo.
16 Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho. 17 Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!
19 Ba mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.”
20 Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” Mme Petere a fetola a re, “O Mesia Keresete wa Modimo!”
21 Mme a ba naya ditaolo tse di gagametseng gore ba se ka ba bolelela ope. 22 A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”
23 Mme a ba raya botlhe a re, “Le fa e le mang yo o batlang go ntshala morago a a tseye mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi a nne gaufi le nna! 24 Le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka mme le fa e le mang yo o tsweletseng a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; 25 mme go thusang gore motho a gape lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe?
26 “Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno. 27 Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!”
33 Erile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, “Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija.”
34 Mme ya re a santse a bua jaana leru le le phatsimang la ikaga mo godimo ga bone; mme ba tshwarwa ke poifo fa le ba khurumetsa. 35 Mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake, yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng.” 36 Mme ya re morago, lentswe le sena go feta, Jesu a bo a le esi le barutwa ba gagwe. Mme ba seka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.
41 Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.”
42 Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.
43 Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,
44 “Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.” 45 Mme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa.
49 Mme morutwa mongwe wa gagwe ebong Johane a tla kwa go ene a re, “Morena, re bone mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. Mme ra mo itsa. Ka gonne e ne e se wa setlhopha sa rona!”
50 Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”
54 Mme e rile fa ba utlwa gore go diragetseng, Jakobe le Johane ba raya Jesu ba re, “Morena, a ke re laole molelo gore o fologe kwa legodimong o ba laile?” 55 Mme Jesu a retologa a ba kgalemela, 56 mme ba tsamaela kwa motseng o mongwe.
58 Mme Jesu a mo fetola a re, “Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele.”
59 Mme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe.
60 Hong Jesu a mo fetola a re, “Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo.”
61 Yo mongwe a re, “Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho.” 62 Mme Jesu a mo raya a re, “Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo.”
<- Luke 8Luke 10 ->