6 Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, 7 mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona! 8 Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?”
9 Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!”
10 Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang!
11 Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!”
12 Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.”
15 Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona!
16 Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone. 17 Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.” 18 Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe. 19 Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?”
20 Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu, 21 mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.” 22-23 Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong. 24 Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.” 25 Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!” 26 Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”? 27 Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?” 28 Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe. 29 Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.” 30 Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa! 31 O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one. 32 Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu. 33 Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.” 34 Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle.