3 Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo.
4 Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo.
5 Kgotsa lo akanya gore lokwalo lo raya eng fa lo re Mowa O O Boitshepo, o Modimo o o agisitseng mo go rona, o re disitse ka lefufa le le bonolo. 6 Mme o re naya nonofo ya go tlhabana le dikeletso tsotlhe tse di bosula tse di ntseng jaana. Jaaka Lokwalo lo re, Modimo o naya ba ba ingotlang nonofo, mme o kgatlhanong le ba ba ikgodisang le ba ba mabela.
7 Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba. 8 Mme fa lo atamela mo Modimong, le One o tlaa lo atamela. Tlhapang diatla tsa lona, baleofi ke lona lo bo lo letle dipelo tsa lona di tlale ka Modimo fela go di ntlafatsa le gore di ikanyege mo go One. 9 Hutsafalang lo lele ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse lo di dirileng. A go nne boikotlhao le bohutsana jwa boammaaruri. A go nne bohutsana mo boemong jwa setshego, le go sa itumeleng mo boemong jwa boitumelo. 10 Ke gone e tlaa reng fa lo ikutlwa lo se ba sepe fa pele ga Morena, o tlaa lo tsholeletsa kwa godimo a lo kgothatsa a bo a lo thusa.
11 Se tshwaaneng diphoso lwa ba lwa buana bosula bakaulengwe ba ba rategang. Fa lo dira jalo, lo tlaa bo lo tlhabana le molao wa Modimo o o reng lo ratane, lo o supa o sa siama. Mme tiro ya lona ga se go akanya gore a molao o o siame kgotsa ga o a siama, fa e se go o obamela fela. 12 Yo o dirileng molao ke ene fela a ka atlholang sentle mo gare ga rona. Ke ene fela o ka atlholang go re boloka kgotsa go re nyeletsa. Jalo lo na le tshwanelo efe go sekisa kgotsa go bona ba bangwe diphoso?
17 Gakologelwang gape gore, go itse se se molemo se se tshwanetseng go dirwa, mme se bo se sa dirwe, ke boleo.
<- Jakobe 3Jakobe 5 ->