2 Fa motho a tsena mo tlung ya lona ya kobamelo a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo a bile a rwele mehitshana ya gouta e e tlhwatlhwa kgolo mo menwaneng ya gagwe, mme e re fela ka nako eo go bo go tla motho yo mongwe yo o humanegileng a apere makgasa, 3 mme lo bo lo amogela mohumi ka matsetseleko a magolo lo mo naya setilo se se ntle ka tlotlo mme lo bo lo raya mohumanegi lo re, “O ka ema fale fa o rata kgotsa wa nna fa fatshe mo bodilong,” jalo he, 4 go leba motho ka khumo ya gagwe go supa gore lo tlhotlhelediwa ke megopolo e e bosula.
5 Ntheetsang, bakaulengwe ba ba rategang: Modimo o tlhophile bahumanegi go huma mo tumelong le Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone, gonne eo ke mpho e Modimo o e solofeditseng botlhe ba ba o ratang. 6 Mme le fa go ntse jalo, mo batsamaing ba babedi, lo nyaditse wa mohumanegi. A ga lo lemoge gore bahumi ke bone ba ba tleng ba lo gogele kwa tshekong? 7 Gape gantsi thata ke bone ba ba tshegang Jesu Keresete; yo leina la gagwe le le tlotlegang lo bidiwang ka lone.
8 Ee ruri, go molemo fa o obamela taolo ya Morena wa rona, e e reng, “O tshwanetse go rata le go thusa bangwe ka wena fela jaaka o ithata ebile o itlhokomela.” 9 Mme lo tlola molao o wa Morena wa rona fa lo rekegela bahumi fela ebile lo ba ipelela; ke boleo go dira jalo.
10 Mme motho yo o tshegetsang molao mongwe le mongwe wa Modimo, mme a relela go le gonnye, o molato fela jaaka motho yo o tlodileng molao mongwe le mongwe o o leng teng, 11 gonne Modimo o o rileng o seka wa nyala mosadi yo o setseng a na le monna, ke one o o rileng o seka wa bolaya, jalo le fa o sa tlola melao ya lonyalo ka go dira boaka, mme o bolaile mongwe, o robile melao ya Modimo gotlhelele, mme ka go dira jalo o molato fa pele ga One.
12 O tlaa atlholwa le fa o dira kgotsa o sa dire se Keresete o rileng o se dire. Ke gone ela tlhoko se o se dirang le se o se akanyang; 13 gonne ga go kitla go nna le kutlwelo botlhoko mo go ba ba iseng ba ke ba supe kutlwelo botlhoko. Mme fa e le gore o ntse o le kutlwelo botlhoko, jalo kutlwelo botlhoko ya Modimo e e yang kwa go wena e tlaa fenya katlholo ya gago e e tswang kwa go One.
17 Jalo a o a bona, ga go a lekana fela go nna le tumelo. O tshwanetse gape go dira molemo go supa gore o na le yone tumelo. Tumelo e e sa itshupeng ka ditiro tse di molemo ga se tumelo gotlhelele, e sule ebile ga e na mosola.
18 Mme kgotsa mongwe o ka nganga a re, “Wa re tsela e e yang kwa Modimong ke ka tumelo e le yosi, e sa okediwe ka sepe; go siame, nna ka re ditiro tse di molemo le tsone di botlhokwa gonne kwa ntle ga ditiro tse di molemo ga o kake wa supa gore a o na le tumelo kgotsa nnyaa; mme le fa e le mang o ka bona gore ke na le tumelo ka tsela e ke itsayang ka yone.”
19 A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo! 20 Motho ke wena wa seeleele? O tlaa ithuta leng gore “Go dumela” ga gona mosola kwa ntle ga go dira se Modimo o batlang o se dira? Tumelo e e sa ungweng ditiro tse di molemo ga se tumelo ya boammaaruri.
21 A ga o gakologelwe gore le rraa rona Aberahame o ne a supiwa a le molemo ka ntlha ya se a se dirileng, jaaka a ne a ineela go obamela Modimo, le fa go ne go raya gore a ntshe morwawe Isake setlhabelo go swa mo sebesong? 22 O a bona, o ne a ikanya Modimo mo e leng gore o ne a batla go dira le fa e le eng se Modimo o neng o se mmolelela; tumelo ya gagwe e ne ya felelediwa ke se a neng a se dira, ke ditiro tsa gagwe, ditiro tse di molemo. 23 Mme jalo ga diragala fela jaaka Dikwalo di bua, gore Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme Morena a mo supa a le molemo mo ponong ya Modimo, le gone o ne a ba a tla a bidiwa “tsala ya Modimo.” 24 Jalo lo a bona, gore motho o bolokwa ka se a se dirang, le se a se dumelang.
25 Rahabe, mosadi wa seaka ke sengwe sa dikai tsa se se buiwang. O ne a bolokwa ka ntlha ya se a neng a se dira ka nako e o neng a fitlha barongwa a bo a ba ngwegisa ka tsela e sele ba bolokesegile. 26 Fela jaaka mmele o sule fa go sena mowa mo go one, tumelo le yone e ntse fela jalo e sule fa e le gore ke mofuta o o sa ungweng ditiro tse di molemo.
<- Jakobe 1Jakobe 3 ->