3 Melekisedeke o ne a sena rraagwe le fa e le mmaagwe le gone ga go na sesupo sepe sa gore e ne e le wa losika lope. Ga a iselo a ke a bo a tsalwe le gone ga ise a ke a bo a swe, jalo botshelo jwa gagwe bo tshwana le jwa Morwa Modimo, moperesiti wa bosakhutleng.
4 Ke gone lemogang gore Melekisedeke yo o mogolo thata jang:
8 Baperesiti ba Sejuta, le fa ba ne ba a swa, ba ne ba amogela tsa bosome; mme re bolelelwa gore Melekisedeke ene o a tshela.
9 Mongwe ebile o ne a ka re, le ene Lefi (tota ka sebele mogologolwane wa baperesiti botlhe ba Sejuta, wa botlhe ba ba amogelang tsa bosome), o ne a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke a di romela ka Aberahame. 10 Gonne le fa Lefi a ne a ise a tsalwe, o ne a santse a le mo mankopeng (mo maleng) a ga Aberahame ka nako e Aberahame a neng a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke ka yone.
12-14 Mme fa Modimo o roma mofuta o mongwe wa boperesiti, molao wa one o tshwanetse go fetolwa gore o dumalane le thomo ya jone. Jaaka rotlhe re itse, Keresete e ne e se wa lotso lwa ga Lefi lwa boperesiti, mme o dule mo lotsong lwa Juta, lo lo neng lo ise ke lo tlhophelwe boperesiti; Moshe o ne a ise a ke a ba neele tiro eo. 15 Jalo re ka bona sentle gore tsela e Modimo o tsamaisang dilo ka yone e ne ya fetoga, gonne Keresete, Moperesiti yo Mogolo yo mosha yo o tsileng a le mo maemong a ga Melekisedeke, 16 ga a a ka a nna moperesiti ka go diragatsa molao o mogologolo wa gore a nne wa lotso lwa ga Lefi, fa e se ka ntlha ya motheo wa nonofo e e elelang e tswa mo botshelong jo bo sa khutleng. 17 Ebile Mopesalema o supa selo se fa a bua kaga Keresete a re, “O moperesiti ka bosakhutleng o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.”
19 Ga e ise e ke e siamise ope mo Modimong. Mme jaanong re na le tsholofelo e kgolo thata, gonne Keresete o re dira gore re amogelesege mo Modimong, ebile jaanong re ka atamela kwa go one.
20 Modimo o ne wa ikana gore Keresete o tlaa nna moperesiti ka malatsi otlhe, 21 le fa go ntse jalo Modimo ga o ise o ke o bue jalo ka baperesiti ba bangwe. O reile Keresete a le nosi fela wa re, “Modimo o ikanne ebile ga o kitla o fetoga mo maikaelelong a one. O moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” 22 Ka ntlha ya maikano a Modimo, Keresete, o ka tlhomamisa ka kgolagano e ncha e, e e botoka.
23 Ka fa tsamaisong ya kgolagano e kgologolo go ne go tshwanetse go nna baperesiti ba le bantsi, gore e tle e re fa ba bagolo ba a swa, thulaganyo e tle e tswelele.
24 Mme Keresete ene o tshela ka bosakhutleng o bile o tsweletse go nna moperesiti gore go seka ga tlhola go tlhokega yo mongwe gape. 25 O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe.
26 Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong. 27 Ga a ke a tlhoka madi a diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo, jaaka baperesiti ba bangwe ba ne ba dira, go bipa dibe tsa bone pele le tsa batho morago; gonne o khutlisitse ditlhabelo tsotlhe gangwe fela, ka nako e a neng a intsha setlhabelo mo mokgorong. 28 Ka fa tsamaisong e kgologolo, le baperesiti ba bagolo tota ba ne ba le bokoa e le baleofi ba ba neng ba ka seka ba kgaogana le go dira boleo, mme e rile morago Modimo wa tlhopha ka go ikanya Morwa One yo o itekanetseng ka bosakhutleng.
<- Bahebera 6Bahebera 8 ->