3 Ke rona fela ba re dumelang Modimo re ka tsenang mo lefelong la One la boikhutso. O rile, “Ke ikanne mo bogaleng jwa me gore ba ba sa ntumeleng ga ba kitla ba tsena,” le fa tota o ne o ntse o ba ipaakanyeditse ebile o ntse o ba emetse go tswa tshimologong ya lefatshe.
4 Re itse fa o ipaakantse ebile o letile gonne go kwadilwe gatwe Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa la lobopo o sena go fetsa tsotlhe tse o neng o ikaeletse go di dira.
5 Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tsena, gonne lwa bofelo Modimo o ne wa re, “Ga ba kitla ba tsena mo boikhutsong jwa me.” 6 Le fa go ntse jalo, tsholofetso e ntse e ntse fela jalo, bangwe ba a tsena, mme eseng ba ba neng ba bona sebaka sa go rerelwa pele gonne ga ba a ka ba ikobela Modimo mme ka ntlha ya go dira jalo ba tlhaela go tsena.
7 Mme o beile nako e nngwe ya go tsena mo lefelong la boikhutso, mme nako eo ke jaanong jaana. O anamisitse polelo e ka Kgosi Dafide morago ga lobaka lo loleele lwa dingwaga motho a sena go palelwa ke go tsena mo felong ga boikhutso, o ne wa bua jaana ka mafoko a a setseng a boletswe, a a reng, “Gompieno fa lo mo utlwa a bitsa, se mo thatafaletseng dipelo tsa lona.”
11 Mme le rona a re lekeng ka bojotlhe jwa rona go tsena mo lefelong leo la boikhutso, re iketse tlhoko, e se re kgotsa le rona ra tloga ra tlhoka kutlo mo Modimong jaaka bana ba Iseraela ba ne ba dira, mme ka go dira jalo ba tlhaela go tsena mo lefelong la boikhutso.
12 Gonne le fa e le eng se Modimo o se re bolelelang se tletse nonofo e e tshedileng: se bogale thata go gaisa chaka e e bogale jo bo feteletseng e tlhabela ka bofefo mo teng teng ga megopolo ya rona le dikeletso le gotlhe ga tsone, e re senolela se tota re leng sone. 13 O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng.
16 Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki.
<- Bahebera 3Bahebera 5 ->