2 Rwadisanyang matshwenyego le mathata, jalo lo obamele taolo ya Morena. 3 Fa mongwe a ithaya a re o mogolo thata go ka ingotlela mafoko a, o a itsietsa. Tota ga a sepe.
4 A mongwe le mongwe a tlhomamise gore o leka bojotlhe jwa gagwe, gonne ka go dira jalo o tlaa ipelafatsa ka tiro e a e dirileng sentle, le gone ga a na go tlhokana le go itshwantshanya le ope.
5 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itshwaya diphoso le go ithwalela merwalo. Gonne ga go ope wa rona yo o itekanetseng. 6 Ba ba ru-twang lefoko la Modimo ba tshwanetse go thusa barutintshi ba bone ka go ba duela.
7 Se tsietsegeng, gakologelwang gore ga lo kake lwa itlhokomolosa Modimo mme lwa fenya: motho o tlaa roba seo fela se a se jalang! 8 Fa a jalela go itumedisa dithato tsa gagwe tse di sa siamang, o tlaa bo a jala dipeo tsa bosula mme ka go dira jalo ammaaruri o tlaa roba thobo ya mowa o o bodileng le loso; mme fa a jala dilo tse di molemo tsa semowa o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo Mowa O O Boitshepo o bo mo nayang. 9 Mme a re se lapeng go dira se se siameng, gonne morago ga lobakanyana re tlaa roba thobo ya letlhogonolo fa re sa kgobega marapo re bo re itlhoboga. 10 Ke sone se e leng gore fa go kgonega re tshwanetse go nna pelonomi mo go mongwe le mongwe malatsi otlhe, segolo jang bakaulengwe ba rona ba Bakeresete:
12 Baruti bao ba lona ba ba lekang go lo fenya gore lo rupisiwe, ba dira jalo ka ntlha ya lebaka le le lengwe fela: gore ba itsege ba bo ba kganele pogiso e ba neng ba tlaa wela mo go yone fa ba ne ba ka dumela gore mokgoro wa ga Keresete o le nosi fela o ka boloka. 13 Mme le bone baruti bao ba ba ineelang mo thupisong ga ba leke go tshegetsa melao e mengwe ya Sejuta; mme ba batla gore lo rupisiwe gore ba tle ba ipelafatse ka gore lo barutwa ba bone.
14 Mme fa e le ka ga me, Modimo ga o ntetlelele gore ke ipelafatse ka sepe fa e se mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete. Ka ntlha ya mokgoro oo, kgatlhego ya me mo dilong tsotlhe tse di gapang maikutlo tsa lefatshe ga e bolo go bolawa, le kgatlhego ya lefatshe mo go nna ga e bolo go swa.
15 Jaanong ga go a tota re fetoletswe mo go nneng batho ba basha ba ba pharologanyo.
16 A kutlwelo botlhoko ya Modimo le kagiso e nne le lona lotlhe ba lo tshelang ka tsela e, le mo go botlhe ba e leng ba Modimo tota gongwe le gongwe. 17 Go simologa gompieno tswee-tswee se ngangisanyeng le nna kaga dilo tse, gonne mo mmeleng wa me go tletse mabadi a dithupa le dintho tse di dirilweng ke baba ba ga Jesu tse di ntshupang gore ke motlhanka wa gagwe.
18 Bakaulengwe ba ba rategang, a tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe.