3 Mme mo loetong lo, ya re a atamela Damaseko ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata la mo phatsimela le tswa legodimong! 4 O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?”
5 Mme ene a re, “O mang Morena?” Jalo lentswe la fetola la re, “Ke Jesu yo o mmogisang! 6 Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.” 7 Mme banna ba ba neng ba na le Saulo ba ema ba tuulala ka kgakgamalo, gonne ba ne ba utlwa lentswe la mongwe mme ba sa mmone! 8-9 Mme erile fa Saulo a tsoga fa fatshe a bo a sa bone. O ne a tshwanelwa ke go gogelwa kwa Damaseko kwa o neng a nna teng malatsi a mararo, a sa bone, a sa je, a sa nwe ka nako eo yotlhe.
10 Mme mo Damaseko go ne go na le morutwa, ebong Ananiase. Modimo o ne wa bua nae mo ponatshegelong wa re, “Ananiase!” Mme a re, “Morena”!
11 Mme Morena a re, “Tsamaya o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo o batle ntlo ya monna yo o bidiwang Judase mme o botse gore Saulo wa Tareso o kae. O a rapela gone jaanong, gonne 12 ke mmontshitse ponatshegelo ya monna yo o bidiwang Ananiase a tla go baya diatla tsa gagwe mo go ene gore a foufologe gape!”
13 Mme Ananiase a re, “Morena, ke utlwile kaga dilo tse di sa siamang tse monna yo o di dirileng mo badumeding kwa Jerusalema! 14 Gape re utlwa gore o tshotse tetlelelo ya go tshwara e e tswang kwa baperesiting ba bagolo go mo fa thata ya go tshwara modumedi mongwe le mongwe mo Damaseko!”
15 Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele. 16 Mme ke tlaa mo supegetsa gore o tshwanetse go mpogela go le kae.”
17 Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.”
18 Ya re gone fela foo (ya ne ekete go wa dikgapetlana mo matlhong a ga Saulo) a foufologa, mme ka bonako a kolobediwa.
19 Mme a ja mme a nonofa. O ne a nna le badumedi mo Damaseko malatsinyana, 20 mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo!
22 Saulo o ne a nna tlhaga thata mo therong ya gagwe, mme Bajuta ba Damaseko ba ne ba sa kgone go emela ditshupo tsa gagwe gore Jesu tota e ne e le Keresete.
23 Moragonyana, baeteledipele ba Sejuta ba ikaelela go mmolaya. 24 Mme o ne a bolelelwa kaga maikaelelo a bone, gore ba ne ba tlhokometse dikgoro tsa motse bosigo le motshegare ba ipaakanyeditse go mmolaya. 25 Mme erile bosigo bangwe ba o ba sokolotseng ba mo falotsha ka kgorwana mo loboteng lwa motse a le mo serotong.
31 Erile ka lobaka lo, phuthego e ne e le mo kagisong mo ntlheng tsotlhe tsa Judea, Galalea le Samaria, mme tsa gola mo nonofong le mo palong. Badumedi ba ithuta go tsamaya ba boifa Morena mo kgomotsong ya Mowa O O Boitshepo.
34 Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa. 35 Mme batho botlhe ba Lida le ba Sharona ba sokologela mo Moreneng fa ba bona Aenease a tsamaya.
42 Dikgang tsa anama le motse, mme ba le bantsi, ba dumela mo Moreneng. 43 Mme Petere a nna lobaka lo loleele mo Jopa, a nna le Simone, wa mosuga matlalo.
<- Ditiro 8Ditiro 10 ->