14 Mme erile fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwa fa batho ba Samaria ba amogetse molaetsa wa Modimo, ba romela Petere le Johane.
15 Erile fela jaaka ba goroga ba simolola go rapelela Bakeresete ba basha ba, go amogela Mowa O O Boitshepo. 16 Gonne o ne o ise o tle mo go ope wa bone ka gonne ba ne ba kolobeditswe fela mo leineng la Morena Jesu. 17 Jalo Petere le Johane ba baya diatla tsa bone mo badumeding ba, mme ba amogela Mowa O O Boitshepo.
18 Erile Simone a bona se, gore Mowa O O Boitshepo o ne o fologela mo bathong fa Baaposetoloi ba ba baya diatla, a ntsha madi go reka nonofo e. 19 Mme o ne a re, “Le nna nnayang nonofo e, gore mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla a amogele Mowa O O Boitshepo!”
20 Mme Petere a mo fetola a re, “A madi a gago a nyelele le wena gonne o gopola gore mpho ya Modimo e ka rekwa! 21 Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo. 22 Sokologa mo tshiamololong e, mme o rapele. Gongwe Modimo o tlaa itshwarela dikakanyo tsa gago tse di bosula, 23 gonne ke bona fa go na le lefufa le boleo mo pelong ya gago.”
24 Mme Simone a re, “Nthapelela gore dilo tse di maswe tse di se ntiragalele.”
25 Morago ga bosupi le thero mo Samaria, Petere le Johane ba ne ba boela Jerusalema, mme ba tla ba ema mo metsaneng ya Samaria mo tseleng go rera Mafoko a a Molemo.
30 Filipo a taboga mme a utlwa se o neng a se bala mme jalo a botsa a re, “A o tlhaloganya se o se balang?”
31 Mme monna a fetola a re, “Tota ga ke tlhaloganye! Nka tlhaloganya jang go sena yo o ntlhalosetsang?” Jalo a kopa Filipo go palama kara gore a tle go nna nae.
32 Se o neng a se bala mo lokwalong se ne se balega jaana. “O ne a gogwa jaaka nku e isiwa kwa matlhabelong, le jaaka kwanyana e e didimetseng fa pele ga babeodi ba yone, ga a ka a tswa molomo; 33 mo go sotlweng ga gagwe, ga a ka a direlwa tshiamo; mme ke mang yo o ka ranolang bomaswe jwa losika lwa gagwe? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.”
34 Mme moopa a botsa Filipo a re, “A Isaia o ne a bua ka ga gagwe kgotsa ka mongwe?”
35 Mme jaana Filipo a simolola ka lokwalo lo, le tse dingwe di le dintsi go mmolelela kaga Jesu. 36 Erile ba ntse ba tsamaya ka koloi, ba fitlha fa metsing mangwe, moopa a re, “Metsi ke a, ke eng fa ke sa kolobediwe?”
37 Filipo o ne a mo araba a re, “O ka kolobediwa fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe.” Mme moopa a fetola a re, “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.” 38 Mme a emisa kara ya gagwe ba fologela mo teng ga metse mme Filipo a mo kolobetsa. 39 Mme erile fa ba tswa mo metsing, Mowa wa Modimo wa tsaya Filipo, mme moopa a seka a tlhola a mmona gape, mme a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.
40 Mme ka nako eo Filipo ene a ipona a le kwa Asoto. O ne a rera Mafoko a a Molemo gone koo le mo motseng mongwe le mongwe mo tseleng, fa a ya Kaesara.
<- Ditiro 7Ditiro 9 ->