5 Mme mo ga utlwala sentle mo phuthegong yotlhe, mme ba tlhopha ba ba latelang: Setefane, (monna yo o tletseng tumelo le Mowa O O Boitshepo), Filipo, Porokoro, Nikanore, Timone, Paramenase, Nikolase wa Antioka (Modichaba yo o sokologetseng mo tumelong ya Sejuta, yo o rileng la bofelo a sokologela mo Bokereseteng). 6 Mme ba ba supang ba, ba isiwa fa pele ga Baaposetoloi ba ba baya diatla ba ba rapelela ba ba kopela tshegofatso.
7 Molaetsa wa Modimo wa rerwa ka bophara mo tikologong yotlhe, mme palo ya barutwa ya ntsifala ka go anama mo Jerusalema; mme baperesiti ba Sejuta ba le bantsi le bone ba sokologa.
9 Mme ya re ka letsatsi lengwe banna bangwe ba tumelo ya Sejuta ba simolola go ganetsanya nae, mme ya re ka bofefo ba kopana le Bajuta ba ba tswang kwa Saerine, Alekesandria mo Egepeto, le mo dikgaolong tsa Take, ebong Kilikia le Ausia. 10 Mme go ne go se ope wa bone yo o emelanang le botlhale le mowa wa ga Setefane.
11 Mme ba tlisa bangwe ba banna go tla go bua maaka ka ga gagwe ba re ba utlwile Setefane a tlhapatsa Moshe, le Modimo tota.
12 Mme ditshele tse, tsa dira gore batho ba tsogologele Setefane, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo tshwara ba mo tlisa fa pele ga lekgotla.
13 Basupi ba maaka ba supa gore Setefane o ne a aga a bua kgatlhanong le Tempele le melao ya ga Moshe.
14 Mme ba re, “Re mo utlwile a re Jesu wa Nasaretha o tlaa senya Tempele le melao yotlhe ya ga Moshe.”
15 Ya re ka nako eo botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng ba bona sefatlhogo sa ga Setefane se tsabakela jaaka sa moengele.
<- Ditiro 5Ditiro 7 ->