3 Gonne go tlaa tla lobaka lo batho ba se kitlang ba reetsa boammaaruri, mme ba tlaa tsamaya ba batla baruti ba ba tlaa ba bolelelang fela se ba batlang go se utlwa. 4 Ga ba kitla ba reetsa se Baebele e se buang mme ba tlaa latela megopolo ya bone e e foufetseng.
5 Ema o tsepame, mme o se ka wa tshaba go bogela Morena. Tlisa ba bangwe kwa go Keresete. O se ka wa tlogela sepe se sa dirwa se o tshwanetseng go se dira.
6 Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong. 7 Ga ke bolo go tlhabanela Morena thata ka lobaka lo loleele, mme mo go tsone tsotlhe ke ntse ke le boammaaruri mo go ene. Mme jaanong lobaka lo fitlhile lwa gore ke khutlise ntwa ke itapolose. 8 Kwa legodimong serwalo se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape.
14 Alekesanta mothudi wa kgotlho o nkutlwisitse botlhoko thata. Morena o tlaa mo otlhaya, 15 mme o mo tshabe, gonne o tlhabana le sengwe le sengwe se re se boletseng.
16 Erile lwa ntlha fa ke tlisiwa fa pele ga moatlhodi go ne go sena ope fano go nthusa, Mongwe le mongwe o ne a siile. Ke solofela gore ga ba kitla ba bewa molato kaga gone. 17 Mme Morena o ne a ema le nna, a nnaya lobaka lwa go rera thero yotlhe ke sena poifo gore lefatshe le utlwe. Mme o ne a mpoloka gore ke se latlhelwe mo ditaung. 18 Ee, Morena o tlaa nna a nkgolola ka nako tsotlhe mo bosuleng jotlhe mme o tlaa ntlisa mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. A kgalalelo e nne go Modimo ka metlha le metlha. Amen.
19 Tswee-tswee “ntumedisetsa” Peresila le Akwila le ba ba nnang le Onesiforo. 20 Eraseto o fetile a sala kwa Korintha, mme ke tlogetse Terofimose a lwala kwa Mileto.
21 Leka gore o bo o le kwano pele ga mariga. Eubulo o a go dumedisa le Padense, le Lino, le Kalaudia le ba bangwe botlhe. 22 A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago.