6 Jaanong taolo ke e, bakaulengwe ba ba rategang, e ke lo e nayang mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete ka taolo ya gagwe: Ikgogeng mo Mokereseteng mongwe le mongwe yo o senyang nako ya gagwe mo botshwakgeng gape a sa latela mogopolo o re lo o neetseng wa go dira ka bonatla. 7 Gonne lo itse sentle gore lo tshwanetse go re etsa: ga lo ise lo ke lo bone re senya nako re sa dire sepe; 8 ga re ise re ke re dumele go tsaya dijo mo go ope re sa di reke; re ne ra dira bosigo le motshegare ka natla yotlhe go nna le madi a re neng re a tlhoka go tshela ka one, gore re seka ra nna mokgweleo mo go ope wa lona.
9 E ne e se gore re ne re sena tshwanelo ya go lo kopa gore lo re otle, mme re ne re batla go lo supegetsa, lwa ntlha ka fa lo tshwanetseng go fufulela botshelojwa lona ka teng.
10 Le re santse re le koo re na le lona re lo neetse taolo e: “Yo o ganang go dira a se ka a ja.”
11 Le fa go ntse jalo re utlwa gotwe bangwe ba lona ba tshelela mo botshwakgeng, ba gana go dira, ebile ba senya nako ya bone mo ditshebong. 12 Mo leineng la Morena Jesu Keresete re kopa batho ba ba ntseng jalo ra re ba didimale, ba tsene mo tirong, mme ba berekele matshelo a e leng a bone. 13 Mme mo go lona ka re bakaulengwe ba ba rategang, lo seka lwa bo lwa lapisega go dira bomolemo.
14 Fa mongwe a gana go ikobela se re se buang mo lokwalong lo, bonang gore ke mang mme lo ikgoge mo go ene, gore a tle a itlhabelwe ke ditlhong. 15 Se mo tseyeng e le mmaba, mme buisanyang nae jaaka lo ka buisanya le mokaulengwe yo o tlhokang go tlhagisiwa. 16 A Morena wa kagiso ka sebele a lo neye kagiso ya gagwe, go sa re sepe gore go diragala eng. Morena a nne le lona lotlhe.