10 O tlaa tsietsa gotlhelele ba ba mo tseleng ya bone go ya moleting gonne ba ganne Boammaaruri, ba ganne go bo dumela le go bo rata, le go bo letla go ba boloka, 11 mme ka ntlha ya moo, Modimo o tlaa ba letla go dumela maaka ka dipelo tsa bone tsotlhe, 12 mme botlhe ba tlaa atlholwa fela ka ntlha ya go dumela maaka, go gana Boammaaruri, le go natefelelwa ke dibe tsa bone. 13 Mme re tshwanetse ka metlha yotlhe go leboga Modimo kaga lona, bakaulengwe ba rona ba ba ratwang ke Morena, gonne Modimo o sale o tlhopha kwa tshimologong go lo naya poloko, go lo ntlafatsa ka tiro ya Mowa O O Boitshepo le ka go ikanya Boammaaruri ga lona. 14 Ka rona o lo boleletse Mafoko a a Molemo. Gape o lo bileditse go nna le seabe mo kgalalelong ya Morena wa rona Jesu Keresete ka rona.
15 Ka dilo tse tsotlhe di le mo mogopolong, bakaulengwe ba ba rategang, emang lo nitame lo bo lo ngaparele thata boammaaruri jo re lo bo rutileng mo dikwalong tsa rona le ka nako e re neng re na le lona ka yone.
16 A Morena wa rona Jesu Keresete ka sebele le Modimo Rraa rona, o o re ratileng wa bo wa re neela kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo e e sa re tshwanelang, 17 a gomotse dipelo tsa lona ka kgomotso yotlhe, a lo thuse mo go sengwe le sengwe se lo se buang le se lo se dirang.
<- II Bathesalonia 1II Bathesalonia 3 ->