6 Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo. 7 Gonne Modimo ga o a re biletsa go nna le megopolo e e maswe le go tlala dikeletso tsa nama, mme o re bileditse go nna boitshepo le bophepa. 8 Fa mongwe a gana go tshela ka fa ditaolong tse, ga se gore o gana ditaolo tsa batho mme o gana tsa Modimo o o lo nayang Mowa O O Boitshepo.
9 Mme kaga lorato lwa sekaulengwe lo lo itshe-kileng lo lo tshwanetseng go nna mo bathong ba Modimo, ga ke tlhoke go bua thata, ke a tlhomamisa! Gonne Modimo ka bo One o lo ruta go ratana. 10 Ke a tlhomamisa, fa lorato lwa lona lo setse lo nonofile go tswela kwa bakaulengweng botlhe ba Bakeresete mo chabeng yotlhe ya ga lona. Le fa go ntse jalo, ditsala tse di rategang, re lo kopa go ba rata segolo bogolo. 11 Se e tshwanetseng go nna keletso ya lona ke se: go tshela botshelo jo bo ritibetseng, lo beile mogopolo mo go se se amang matshelo a lona lo dira tiro e e leng ya lona ka sebele, jaaka re lo boleletse pele.
12 Ka go dira jalo batho ba e seng Bakeresete ba tlaa lo ikanya ba bo ba lo tlotla, mme ga lo kitla lo tlhokana le go baya mo go ope gore a lo fe madi a a lekanyeng go duela melato ya lona.
17 Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo. 18 Ke gone gomotsanang lo kgothatsane ka mafoko a.
<- I Bathesalonia 3I Bathesalonia 5 ->