3 Se ke karabo ya me mo go ba ba botsang ditshwanelo tsa me.
4 Kgotsa a ga ke na ditshwanelo gotlhelele? A ga nkake ka batla tshwanelo e e tshwanang le e baaposetoloi ba bangwe ba nang nayo ya go nna moeng mo magaeng a lona? 5 Fa ke ne ke na le mosadi; mme e le modumedi, a ke ne ke se ka ke ka tsamaya nae mo maetong ame jaaka barutwa ba bangwe ba dira, le jaaka bakaulengwe ba Morena ba dira, le jaaka Petere a dira 6 A ke nna le Barenabase re le rosi ba re tshwanetseng go direla botshelo jwa rona, fa lona lo abela ba bangwe ba?
7 Ke lesole lefe mo ntweng le le tshwanetseng go ituelela ditshenyegelo tsa lone. Mme a lo kile lwa utlwa kaga molemi yo o ithobelang thobo ya gagwe mme a sena tshwanelo ya go ja sengwe mo go yone? Ke modisa ofe yo o tlhokomelang letsomane la dinku le dipodi mme a sa letlelelwa go nwa mashi a tsone? 8 Mme ga ke kwale fela megopolo ya batho ka se se siameng. Ke lo bolelela se molao wa Modimo o se buang. 9 Gonne molao o Modimo o o neetseng Moshe wa re ga lo a tshwanela go fapa pelesa molomo go e itsa go ja fa e gataka e photha mabele. A lo gopola gore Modimo o ne o akanya kaga dipelesa fela fa o ne o rialo? 10 A o ne o sa akanye le kaga rona? Ee, go ntse jalo. O ne o bua se go re supegetsa gore badiri ba Sekeresete ba tshwanetse go duelwa ke ba ba ba direlang. Ba ba lemang le ba ba phothang ba tshwanetse go solofela seabe sengwe mo thobong.
11 Re jetse peo e e molemo ya semowa mo dipelong tsa lona. A ga go tshwanele fa re lopa dijo le diaparo mo go lona? 12 Lo di naya ba ba lo rerelang, ebile lo tshwanetse. Mme a ga re a tshwanela go nna le e leng tshwanelo e kgolo mo go bone? Le fa go ntse jalo ga re ise re ke re dirise tshwanelo e, mme re ithusa ka bo rona kwa ntle ga thuso ya lona. Ga re ise re kope tuelo ya mofuta ope re boifa gore, fa re dira jalo, lo ka nna le kgatlhego e potlana mo molaetseng wa ga Keresete o o tlang ka rona.
13 A galo lemoge gore Modimo o boleletse ba ba neng ba dira mo Tempeleng ya gagwe go itseela dingwe tsa dijo tse di neng di tlisitswefoo e le dimpho tsa one? Mme ba ba dirang mo Aletareng ya Modimo ba tsaya seabe sa dijo tse di neng di tlisitswe ke ba ba neng ba abela Morena.
14 Ka tsela e e ntseng jalo, Morena o ntshitse ditaolo gore ba ba rutang Mafoko a a Molemo ba tshwanetse go otlwa ke ba ba a amogelang. 15 Le fa go ntse jalo ga ke ise ke ke ke lo kope le fa ele ledi le le lengwe. Mme ga ke kwale se go lo tlhagisa gore ke batla go simolola, legale, ke ka mpa ka swa ke bolawa ke tlala go na le go latlhegelwa ke boitumelo jo ke bo bonang mo go lo rereleng kwa ntle ga tuelo. 16 Gonne go rera Mafoko a a Molemo ga se tlotla epe mo go nna, ke ne ke ka se ke ka lesa go rera fa ke ne ke batla. Ke tlaa bo ke tlhomola pelo gotlhelele. A go latlhege nna fa ke sa rere.
17 Fa ke ne ke dira ka go ithaopa ga go rata ga me, jalo Morena o ne a tlaa nnaya tuelo e e faphegileng; mme seo ga se one mabaka, gonne Modimo o ntshitse wa nnaya tsholofelo e, e e boitshepo mme ga go na se ke ka se dirang.
18 Ka mabaka a, tuelo ya me ke eng? Ke boitumelo jo bo faphegileng jo ke bo bonang mo go rereng Mafoko a a Molemo kwa ntle ga tshenyegelo mo go ope, ke sa kope ditshwanelo tsa me.
22 Fa ke na le ba digakolodi tsa bone di leng bokoa, ga ke dire jaaka e ka re ke itse gotlhe ga ke ba bitse dieleele; pheletso ke gore ba eletsa gore ke ba thuse. Ee, le fa motho a ntse jang, ke leka go bona seemo se se motlhofo ka ene go re a tle a ntetle go mmolelela kaga Keresete le go letla Keresete gore a mmoloke.
23 Ke dira se go ba tlisetsa Mafoko a a Molemo le tshegofatso e nna ka bo nna ke e amogelang fa ke ba bona ba tla mo go Keresete.
24 Mo lobelong, mongwe le mongwe o a siana mme motho a le mongwe fela a gape sekgele sa ntlha. Jalo sianang lobelo lwa lona go gapa sekgele. 25 Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka botlalo. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela. 26 Jalo ke sianela fela kwa bofelong ka maikaelelo mo kgatong nngwe le nngwe, ke lwela go fenya. Ga ke lwele lefela kgotsa dinyana. 27 Jaaka mosiami ke otlhaya mmele wa me, ke o tsenya mo pitlaganong, gongwe ke kaiwe ke sa itekanela mme ke laolalwe go emela fa thoko.
<- I Bakorintha 8I Bakorintha 10 ->