5 Ka fa bathong ba bangwe, go na le medimo e megolo e le mentsi kwa legodimong le mo lefatsheng. 6 Mme rona re itse gore go na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo o dirileng dilo tsotlhe a bo a re dira gore re nne ba gagwe; le Morena a le mongwe fela ebong Jesu Keresete, yo o dirileng sengwe le sengwe a bo a re naya botshelo.
7 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ga ba lemoge selo se. Mo matshelong a bone otlhe ba ntse ba akantse medimo ya disetwa gore e a tshela, le go dumela gore dijo tse di diretsweng medimo ya disetwa di neetswe medimo tota. Jalo fa ba a ja dijo tseo di a ba sulafalela ebile di koafatsa digakolodi tsa bone. 8 Gakologelwang fela gore Modimo ga o tlhokomele fa re di ja kgotsa re sa di je. Ga re molato fa re sa di je, ebile ga re botoka fa re di ja. 9 Mme itlhokomele gore o se ka wa dirisa kgololesego ya gago go di ja, e se re kgotsa wa leofisa mokaulengwe mongwe yo o nang le tumelo e e bokoa.
10 O a bona, se ke se se ka diragalang: Mongwe yo o akanyang go le phoso go ja dijo tse o tlaa go bona o o ja kwa tlung ya dijo ya Tempele, gonne o a itse fa go sena molato mo go tsone. Mme lo tlaa nna pelokgale thata go di ja le ene le fa ka nako tsotlhe a ntse a ikutlwa e le phoso. 11 Jalo ka gore o “itse gore go siame go di ja,” o tlaa bo o tshwanetse go arabela go dira tshenyego e kgolo ya semowa mo mokaulengweng yo o nang le segakolodi se se boruma, yo Keresete a mo swetseng.
12 Mme ke sebe kgatlhanong le Keresete go leofela mokaulengwe wa gago ka go mo kgothatsa go dira sengwe se a akanyang se le phoso. 13 Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa.
<- I Bakorintha 7I Bakorintha 9 ->