6 Le fa go ntse jalo fa ke na le Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ke a tle ke bue mafoko a botlhale jo bogolo, mme e seng a mofuta o o tswang mono lefatsheng, le e seng ka mofuta wa batho ba lefatshe le, ba ba tlaa tlogang ba nyelela. 7 Mafoko a rona a botlhale ka gore a tswa mo Modimong, a re bolelela botlhale jwa leano la Modimo le le re tlisang mo dikgalalelong tsa Legodimo. Leano le le ne le fitlhegile mo lobakeng lwa pele, le fa le ne la dirwa go re solegela molemo pele ga tshimologo ya lefatshe. 8 Mme batho ba bagolo ba lefatshe ga ba a ka ba le tlhaloganya; fa ba ne ba le tlhalogantse, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo.
9 Ke sone se Dikwalo di se rayang fa di re, ga go na motho ope yo o kileng a bona, a utlwa kgotsa a akanya tse dintle tse Modimo o di baakanyeditseng ba ba ratang Morena. 10 Mme re itse kaga dilo tse ka gore Modimo o rometse Mowa wa one go re di bolelela, mme Mowa wa one o a puruputsha ebile o re bontsha diphiri tse di kwa teng tsa Modimo. 11 Ga go na ope yo o ka itseng se yo mongwe o se akanyang, kgotsa gore o ntse jang, fa e se ene motho yoo ka boene. Ebile ga go ope yo o ka itseng dikakanyo tsa Modimo fa e se Mowa wa Modimo ka bo-one. 12 Modimo o re neile Mowa wa one (eseng mowa wa lefatshe) go re bolelela kaga dineo tse di ntle tsa tshegofatso tse Modimo o re di neileng. 13 Mo go lo boleleleng kaga dineo tse, re dirisitse one tota mafoko a re neng re a newa ke Mowa O O Boitshepo go tlhalosa ditiro tsa Mowa O O Boitshepo. 14 Mme motho yo e seng Mokeresete ga a ka ke a tlhaloganya a bo a amogela megopolo e e tswang mo Modimong, e Mowa O O Boitshepo o re e rutang. E utlwala e le boeleele mo go ene, ka gore ke ba ba nang le Mowa O O Boitshepo fela ba ba ka tlhaloganyang gore Mowa O O Boitshepo o rayang. Ba bangwe ga ba ka ke ba tlhaloganya. 15 Mme motho wa semowa o tlhaloganya dilo tsotlhe, le tse di tshwenyang ebile di palela motho wa lefatshe, yo o se ka keng a mo tlhaloganya gotlhelele. 16 Go ka nna jang? Gonne ka boammaaruri ga a ise a ke a itse dikakanyo tsa Morena, kgotsa le fa e le go di buisana nae, kgotsa go tshikinya mabogo a Modimo ka thapelo. Mme go bonala go hakgamatsa, rona bakeresete mo go rona re na le bontlha bongwe jwa dikakanyo le mogopolo wa ga Keresete.
<- I Bakorintha 1I Bakorintha 3 ->