4 Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa, 5 ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso. 6 Ga lo ko lo itumelela tshiamololo mme lo itumelela boammaaruri ka nako tsotlhe. 7 Fa o rata yo mongwe o tlaa nna le boammaaruri mo go ene go sa re sepe gore go a reng. O tlaa aga o dumela mo go ene, o solofela tse di molemo mo go ene, ebile o mo femela ka gale ka boammaaruri.
8 Dimpho tsotlhe tse di faphegileng le dinonofo tse di tswang kwa Modimong e tlaa re letsatsi lengwe di tle mo bokhutlong, mme lorato lo tswelela ka bosakhutleng. Letsatsi lengwe seporofeso, go bua dipuo tse di sa itsiweng le kitso e e faphegileng, dimpho tse di tlaa nyelela.
9 Jaanong re itse go le gonnye fela, le kaga dimpho tsa rona tsa botlhokwa le thero ya ba ba filweng go rera thata. Mme thero ya bone e santse e le bokoa, 10 mme fa se se itekanetseng se tla, se se sa itekanelang se tlaa nyelela.
11 Mme go ntse jaana: erile ke sa le ngwana ke ne ke bua ebile ke akanya jaaka ngwana. Mme ya re ke nna monna megopolo ya gola go feta ya bonyana jwa me, mme jaanong ke tlogetse dilo tsa sengwana.
12 Mme fela jalo, re ka bona ra bo ra tlhaloganya go le gonnye fela kaga Modimo, jaaka ekete re lebetse tsabakelo ya gagwe mo seiponeng se se letobo; mme letsatsi lengwe re tlaa mmona fela jaaka a ntse, re lebane mo matlhong. Mme gompieno ke santse ke le mo letobong, mme e tlaa re kwa morago ke tlaa bona sengwe le sengwe sentle; fela jaaka Modimo o bona mo teng ga pelo ya me gompieno.
13 Go na le dilo di le tharo tse di salang, tumelo, tsholofelo le lorato, mme se se tona mo dilong tse ke lorato.
<- I Bakorintha 12I Bakorintha 14 ->