4 Jaanong Modimo o re naya mefuta e mentsi ya dineo tse di faphegileng, mme ke Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela o e leng one motswedi wa tsone tsotlhe. 5 Go na le mefuta e e farologanyeng ya ditirelo Modimo, mme ke Morena a le mongwe fela yo re mo direlang. 6 Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one. 7 Mowa O O Boitshepo o bonatsa nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe wa rona e le go thusa phuthego yotlhe.
8 Motho mongwe mowa o mo naya nonofo go ntsha kgakololo e e siameng; mongwe o ka bo a siame thata ka fa go ithuteng le go ruta, mme se ke mpho ya gagwe e e tswang e ntse e le mo go one Mowa O O Boitshepo. 9 O naya yo mongwe tumelo e e faphegileng, yo mongwe nonofo ya go fodisa balwetse. 10 O naya bangwe nonofo ya go dira dikgakgamatso, ba bangwe nonofo ya go porofesa le go rera, o naya mongwe nonofo ya go itse fa mewa e e bosula e bua mo go ba ba ipitsang gore ba naya melaetsa ya Modimo, kgotsa gore a ke one tota Mowa wa Modimo o o buang. Fela jalo, motho yo mongwe o kgona go bua dipuo tse a iseng a ke a di ithute; mme ba bangwe ba ba sa itseng puo, ba newa nonofo ya go tlhaloganya se a se buang. 11 E ntse ke one Mowa O O Boitshepo fela o o nayang dimpho tsotlhe le dinonofo, go bona gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go newa eng.
14 Ee, mmele o na le ditokololo tse dintsi, e seng tokololo e le nngwe fela. 15 Fa lonao lo re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ga ke letsogo,” seo ga se dire lonao tokololo e potlana ya mmele.
16 Mme o ne o ka reng fa o utlwa tsebe e re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ke tsebe fela, ga ke leitlho”. A seo se ne se tlaa e dira tokololo e potlana ya mmele?
17 A re re fa mmele otlhe e ne e le leitlho, o ne o ka utlwa jang? Kgotsa mmele wa gago otlhe fela e le tsebe e le nngwe e tona, o ne o ka dupelela jang? 18 Mme ga se kafa Modimo o re dirileng ka gone. O diretse mebele ya rona ditokololo di le dintsi thata, mme wa baya tokololo nngwe le nngwe fa o e batlang gone. 19 Go ne go tlaa hakgamatsa jang fa mmele o ne o na le tokololo e le nngwe fela? 20 Jalo o dirile ditokololo tse dintsi, mme le fa go ntse jalo, mmele o ntse o mongwe fela.
21 Leitlho ga le kake la raya letsogo la re, “Ga ke go batle,” Tlhogo ga e kake ya raya dinao ya re, “Ga ke lo batle”.
22 Mme ditokololo dingwe tse di lebegang di le bokoa ebile di se botlhokwa thata ke tsone tota tse di tlhokegang thata, 23 mme ditokololo tse re akanyang gore ga di botlhokwa thata, re di eleng tlhoko thata; fa ditokololo tsa mmele tse di sa lebegeng di le dintle thata di amogela kelotlhoko e e faphegileng, 24 fa tota ditokololo tse di ka bonwang di sa batle tlhokomelo e e faphegileng e. Jalo Modimo o bopile mmele ka tsela e e leng gore tlotlo le tlhokomelo di newe ditokololo tse di lebegang di sa tlotlwa thata. 25 Se se dira boitumelo mo ditokololong, gore ditokololo tse di nne le tlhokomelo e e tshwanelang tse dingwe gore di itirele ka bo tsone. 26 Fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo di utlwa botlhoko nayo, mme fa tokololo e le nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di a itumela.
27 Jaanong se ke batlang go se bua ke se: Lotlhe lo mmele o le mongwe fela wa ga Keresete mme mongwe le mongwe wa lona ke tokololo e e faphegileng e e tlhokegang ya one. 28 Thulaganyo ya ditokololo dingwe tse a di beileng mo phuthegong ya gagwe ke e, e e leng mmele wa gagwe: Baporofiti—bao ba rerang Lefoko la Modimo, Baruti, bao ba dirang dikgakgamatso, bao ba nang le neo ya phodiso, bao ba ka thusang ba bangwe, bao ba ka dirang ba bangwe gore ba dire mmogo, bao ba ba buang ka diteme tse ba sa di ithutang.
29 A mongwe le mongwe ke moaposetoloi? Nnyaa. A mongwe le mongwe ke moreri? Nnyaa. A botlhe ke baruti? A mongwe le mongwe o na le nonofo go dira dikgakgamatso? 30 A mongwe le mongwe o ka fodisa bolwetse? Nnyaa. A Modimo o re naya rotlhe nonofo ya go bua ka diteme tse re sa di ithutang? A mongwe fela o ka tlhaloganya a bo a ranola se se buiwang ke ba ba nang le neo ya puo ya seeng? 31 Nnyaa, leka bojotlhe jwa gago go nna le neo e e di gaisang tsotlhe. Pele, le fa go ntse jalo, mma ke go bolelele sengwe se sele se se botoka go di gaisa tsotlhe!
<- I Bakorintha 11I Bakorintha 13 ->